Lenaneo le le Tshwaraganetsweng le le Ikememetseng la
TSHWARAGANO LE MMUSO MO TLHABOLOLONG YA METSESELEGAE"
Moporesidente Thabo Mbeki o simolotse Lenaneo le le Tshwaraganetsweng le le Ikemetseng la Tlhabololo ya Metseselegae (ISRDP) ka 2001. Maikaelelo a lenaneo le la dingwaga tse di lesome ke go fedisa botlhoki le tlhabololo e e kwa tlase le go tokafatsa boleng jwa matshelo a batho ba ba nnang kwa metseng-selegae.
BAAMOGELADITSHIAMELO KE BO MANG:
Lenaneo le lebile batho ba ba nnang kwa metsengselegae segolo thata basadi, bašwa le digole.
LENANEO LE DIRAGADIWA KWA KAE:
Go setse go tlhophilwe dikgaolo tse di lesometharo tse di itsegeng jaaka ditokololo. Ditokololo tse di mo dikgaolong tsa bommasepala mo diporofenseng tse di latelang:
KAPA BOKONE LE BOKONE BOPHIRIMA: Kgalagadi
Lenaneo le ikaeletse go fokotsa botlhoki ka go:
Netefatsa phitlhelelo ya thuto, boitekanelo, dithuso/dikabelo tsa katlaatleloloago le ditleliniki tsa kwa dikgaolong tse di dirang go thusa baagi,
Atolosa mebaraka ya tiro ka go tsosolosa manane a Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae
Tokafatsa ditirelo - go fitlhelela metsi le kgelelo ya leswe, motlakase le maatla, ditirelo tsa megala
Tokafatsa dinamelwa go fitlhelela ditirelo tsa katlaatleloloago le dimmaraka tsa Ikonomi, diposo le ditirelo tsa poso - le kago ya ditsela go tokafatsa tsamao ya dipalangwa
Tokafatso ya letlotlo la dithoto mo loagong - dithoto tsa lelapa, lotseno le tshenyegelo.
BADIRAGATSI KE BOMANG:
Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg) le rwele maikarabelo a go rulaganya manaane kwa maemong a bosetšhaba. Mafapha a mmuso a Bosetšhaba le a Diporofense a nna le seabe ka go tlamela didiriswa le go diragatsa diporojeke tse di tlhokegang. Terasete e e Ikemetseng ya Tlhabololo (IDT) e supilwe jaaka motshegetsi wa ISRDP.
Tiro ya pusoselegae ke go diragatsa diporojeke jaaka di tlhagisistwe ke Lenane le le Ikemetseng la Tlhabololo (IDP). Lephata la poraefete le nna le seabe ka tlamelo ya didiriswa go tshegetsa tiragatso ya diporojeke.
LENAANE LE DIRA JANG:
Lenaane le lebisiwa kwa dikgaolong tse di tlhophilweng go ikaegilwe ka mathata a tlhabololo le ditšhono tsa selegae tse di lemogilweng. Madi le didiriswa di rebolwa go tswa mo maphateng a mararo a mmuso le badirisani ba bangwe (lephata la poraefete, mekgatlho e e seng ya mmuso; dikgwebo tse e leng tsa puso, j.j.). E tsibogela bosupi jwa lehuma le ditšhono tsa ikonomi. Gape lenaane le tokafatsa bokgoni jwa bommasepala ba selegae go tlamela ditirelo. Go lebilwe thata manaane a mmuso a a leng teng fa go ntse go tlhabololwa manaane a mašwa.
MAIKEMISETSO A ISRDP KA KAKARETSO KE AFE
Maikemisetso a ISRDP ka kakaretso ke " go dirisana le batho le badirammogo ba bangwe, go fokotsa botlhoki le go tokafatsa boleng jwa bophelo kwa dikgaolong tsa metseselegae ka tirisano e e golaganeng le ditheo tse di maleba go samagana le katlaatleloloago, ikonomi, ditlhokego tsa tikologo le taolo.
SETŠHABA SE NNA LE SEABE JANG:
Nngwe ya ditheo tsa lenaane ke go nna le seabe ga setšhaba. Setšhaba se ka nna le seabe mo dipuisanong tse di kopanetsweng tsa tlhabololo ya bomma-sepala ba selegae. Dipuisano tse di neela maloko a setšhaba ditšhono tsa go bona le go rulaganya ditlhokego tsa sone. Pusoselegae e fetola ditlhokego tse go nna diporojeke tse di tlhokegang.
DITOKOLO TSE DI 13 TSA MAGAE DI FITLHELWA KAE:
